FATHERS LOVE LETTER .COM
  • Home
  • About
    • About
    • Contact
    • Copyright
    • Donate
    • FAQ
    • Our Vision
    • Our Websites
    • Privacy Policy
    • Terms of use
    • The Story
    • What We Believe
  • Media Formats
    • Media Center
    • HD Video
    • 25th Anniversary Video
    • Vertical Video
    • Video History
    • Stores
    • Text
    • Audio
    • Kids FLL
  • Languages
  • God and You
  • FLL Book
    • Devotional Index
    • Free Audiobook
    • Free eBook

Setswana
Father's Love Letter

The Setswana Father's Love Letter is currently available
in the following formats:
1. An instrumental video version
2. An online text version
Please feel free to copy this text and design your own version
of the Setswana Father's Love Letter.

Setswana Father's Love Letter Instrumental Video

Video Courtesy of Nico Boyadjian

Setswana Father's Love Letter

Lekwalo la ga Rre la Lorato go ya go:

Ngwanake/ Morwadiake


O ka dira o sa nkitse, mme Nna ke itsi tsotlhe ka gag ago
(Pslm 139:1)

Ke itse fa o nna, le ge o nanoga/ emelela
(Pslm 139:2).

Ke ela ditsela tsotlhe tsa gago tlhoko
(Pslm 139:3).

Mme le meriri ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela
(Mathaio 10:30).

Ka gore le tlhodilwe mo sethswanong same
(Genesi 1:27).

Mo go nna o a tshela, o a tsamaya, a le teng
(Ditiro 17:28).

Gonne lo ba losika lwame
(Ditiro 17:28).

Ke go itsitse pele ke go bopa mo sebopelong
(Jeremia 1:4-5).

Ke go tlhopile ka fa mikelelong ame ka ga tlholego
(Baefeso 1: 11-12).

Tlholego ya gago ga se phoso, malatsi a gago
a otlhe a kwetswe mo bukeng yame
(Pslm 139: 15-16).

Ke rulagantse nako ya gago ya tsalo le gore o tla aga kae
(Ditiro 17: 26).

O dirilwe ka kgakgamatso e e gaisang
(Pslm 139:14).

Ke go bopile o le mo popelong yam mme wa gago
(Pslm 139: 13).

Ke go golotse ka letsatsi la gago la tsalo
(Pslm 71: 6).

Ke emelelwa le go tlhalosiwa ke ba ba sa nkitsing
(Johane 8:41-44).

Ga ke kgakala me ga kea galefa,
mme ke tlhagiso e e totobetseng ya lorato
(1 Johane 3:1).

Ke takatso yame go go neela lorato lwame fela ka gonne
o nwana wame mme nna ke Rrago
(1 Johane 3:1).

Ke go neela go feta se rrago wa mo lefatsheng a ka go neelang sone
(Mathaio 7:11).

Ke Rraeno yo o siameng ka botlalo (Matheo 5:48).

Mpho nngwe le nngwe e e siameng e o e amogelang
e tswa mo seatleng same
(Jakobo 1:17).

Gonne ke motlamedi wa lona ke lo naa ditlhokego tsotlhe tsa lona
(Matheo 6:31-33).

Mogopolo waka ka bokamoso ba lona o nna o tletse tshepo
(Jeremia 29: 11).

Ka gonne ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng
(Jeremia 31:3).

Megopolo yak aka wena ga e balege,
jaaka go feta motlhaba wa lewatle
(Pslm 139:17-18).

Ke tlhabela tuduetso ya gago mokgosi
(Sefanya 3:17).

Ga nkitla ke khutlisa go go direla molemo
(Jeremia 32:40).

Gonne lo bame, le lotlotlo lwame
(Ekesodu 19:5).

Ke rata go go tlhomamisa ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe wame
(Jeremia 32:41).

Ke batla go go itsese dilo tse dikgolo tse di sa tlhotlhomiseweng
(Jeremia 33:3).

Fa lo mpatla ka dipelo tsotlhe tsa lona lo tla mpona
(Doiteronomio 4:29).

Netefalelwa kenna mme ke tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago
(Pslm 37: 4).

Ka gonne kenna ke go neileng dikeletso tseo
(Bafilipi 2:13).

Ke kgona go go direrela go fetisisa ka mokgwa o ka naganang ka teng
(Baefeso 3:20).

Gonne ke morotloetsai wa gago yo mogolo
(2 Bathesolonika 2:16-17).

Ke Rraeno yo o le kgothatsang mo maiming othle a lona
(2 Bakorinthe 1:3-4).

Fa o utlwile pelo botlhoko, ke gaufi le wena
(Pslm 34:18).

Jaaka modisa a jere kwana, ke go jere gaufi le pelo yame
(Jesaya 40:11).

Ka tsatsi le lengwe ke tla phimola dikeledi tsa gago,
ke suthise kutlo bothloko le tshotlego mo lefatsheng
(Tshenolo 21:3-4).

Ke Rraeno, ke lo rata fela jaaka ke ratile Morwake, Jeso
(Johane 17:23).

Mo go Jeso, lorato lame mo go wena le a iponagatsa
(Johane 17:26).

Ke setshwano se se tlhakileng sa me Bomodimo ba me
(Bahebere 1:3).

O tlile go bontsha gore ke mo ntlheng ya lona, eseng kgatlanong le lona (Baroma 8:31).

Mme go lo bolelela gore ga ke bale dibe tsa lona.
Jeso o sule gore nna le lona re nne le poellano
(2 Bakorinthe 5:18-19).

Loso la gagwe e ne e le pontshagatso e felletseng
ya lorato lwa me mo go lona
(1 Johane 4:10).

Ke neelane ka tsotlhe tse ke neng ke di rata gore ke bone lerato la gago (Baroma 8:38-39)

Fa o amogela mpho ya Morwake Jeso, o amogela nna
(1 Johane 2:23).

Mme ga go sepe se se ka go kgaoganyang le lerato lame gape
(Baroma 8:38-39).

Boela gae mmeke tla dira moletlo o mogolo o legodimo le iseng le o bone
(Luka 15:7).

Go tloga tshimologong ke le Rara, ke tla nna ke ntse ke le Rara
(Baefeso 3:14-15)

Potso yame ke gore… a o tla nna ngwna wa me?
(Jonane 1: 12-13)

Ke go emetse
(Luka 15:11-32)

Ka lerato,
Rraeno MODIMO yo Matla-otlhe.


ACKNOWLEDGEMENTS / PERMISSION:
Special thanks to David Thibedi & Gerrie Aucamp for translating the Father's Love Letter into Setswana.
Please feel free to copy and share all of the resources on this page as long as you do so free of charge.

About Us

About
The Story
Copyright

Get Involved

FAQ
Terms of Use
Our Websites

Connect

Contact
Privacy Policy
Donate
© COPYRIGHT 2025. ALL RIGHTS RESERVED.
  • Home
  • About
    • About
    • Contact
    • Copyright
    • Donate
    • FAQ
    • Our Vision
    • Our Websites
    • Privacy Policy
    • Terms of use
    • The Story
    • What We Believe
  • Media Formats
    • Media Center
    • HD Video
    • 25th Anniversary Video
    • Vertical Video
    • Video History
    • Stores
    • Text
    • Audio
    • Kids FLL
  • Languages
  • God and You
  • FLL Book
    • Devotional Index
    • Free Audiobook
    • Free eBook